RE: LEKWALO GO MALOKO LE BATSAAKAROLO BA BA TLOTLEGANG

REF: TEKODISO LE IPAAKANYO YA COPYRIGHT SOCIETY OF BOTSWANA TEBANG LE MOGARE WA CORONA (COVID 19)

Mogare wa Corona o tsweletse ka go tlisa ketsaetsego le go baka letshogo mo go botlhe. Seemo se se re ama lefatshe ka bophara. E re ka dikgang tsa COVID – 19 di fetoga tsatsi le letsatsi, re bona go le maleba go rurifaletsa Batsayakarolo fa COSBOTS e tshwere ka thata go netefatsa gore ditirelo ga di emisiwe gotlhelele. Jaaka mongwe le mongwe, seemo se le rona se re tshoganyeditse segolo bogolo ka se tsisa diemo tse di tsitsibanyang mmele kgapetsa kgapetsa. Le fa go ntse jalo, se se dirile gore re nne malala-a-laotswe mo go ikgapheng le go netefatsa tshireletsego ya BOTLHE.

Khuduthamaga le bagolwane ba COSBOTS ba beile seemo sa COVID – 19 leitlho. Matshwenyego magolo a rona ke pabalesego ya Maloko le Sechaba ka kakaretso mme re tlaa tswelela ka go buisana ka mogare o, go tsaya malebela le go tsaya tsia dikgakololo tsa ba botsogo go tsibosa maloko, bodiredi, le batsaakarolo ka go farologana. Maloko le batsayakarolo ba bangwe ba gakololwa go emisa go etela ofisi ya COSBOTS fa go kgonega mme mo boemong ba dirise maranyane a website ka go etela cosbots.com go kwadisetsa boloko le go romela ditiro tse disha, ga mmogo le go kopa diteseletso tsa go dirisa dipina le tse dingwe tsa botaki.

Maloko le Batsayakarolo ba ka leletsa ofisi mo mogaleng wa +267 392 8055 fa gare ga beke go simolola ka nako ya bofera bobedi mo mosong go fitlha ka nako ya botlhano mo tshokologong. COSBOTS e dira tsotlhe go tlhagafalela go tsisa ditirelo mme re tswelela ka go tsenya leitlho go gagamatsa fa go tlhokafalang teng.

TSE DI AMANG MELETLO

Go tsweng gompieno, Khuduthamaga e tsere tshwetso go emisa meletlo, bokopano le diphuthego dipe fela go fitlha mo lobakeng le le tlaa bolelwang. Mo nakong eno re rotloetsa tiriso ya metlhale e sele ya go tshwara diphuthego go itsa bokopano.
Ba ofisi ya boloko ba dira gotlhe mo go kgonagalang go tlhomamisa gore dituelo tsa maloko (royalties) di a diragadiwa. Re tla tswelela ka go lekodisa botlhe ka go dirisa website le tse dingwe.

BODIREDI LE ITSHIRELETSO KWA OFISING

Mesepele yotlhe kwa ntle ga Botswana e emisitswe go fitlha nako e seemo se ritibetseng. Bodiredi bo tlamega go itsise bagolwane ka mesepele yotlhe e ba e tsayang e se ya tiro segolo bogolo kwa ntle ga lefatshe le go bona ba botsogo fa ba goroga go dira ditlhatlhobo tse di maleba. Le fa go ntse jalo, Bodiredi bo tlhagisitswe go sa tseye mesepele go ya kwa ntle ga lefatshe go sa tlhokahale.

Bodiredi bo tlamega go itsise bagolwane fa mongwe wa lelwapa a tshwerwe ka mogare wa Corona, le go se tle ofising go fitlha le bone ba netefatsa fa ba sa amiwa gotlhelele ke mogare.

Ofisi ya COSBOTS e phepafadiwa ka nako nngwe le nngwe. Ofisi e dira tsotlhe go netefatsa gore bodiredi bo fiwa tsa itshireletso di akaretsa melora le go phepafatsa tikologo ya bone. Go tla kwadisiwa ba ba etelang ofisi le dinako tse ba tlang ba bo ba tswa ka tsone go netefatsa fa tsotlhe di le teng fa di ka tlhokega gore ba latedisiwe. Go itsa mosuke mo diofising Bodiredi bo gakolotswe go tsaya malatsi go itapolosa mme ba ba setseng ba tla tla tirong ka go fapaana ga dinako. Batsayakarolo le botlhe ba ba fang ditirelo ba rotloediwa go dira tsotlhe tse di maleba go fa ditirelo ka metlhale e sele go itsa go etela ofisi.

Kwa bokhutlong, bagolwane ba COSBOTS ba dirile komiti ya Bodiredi e e tla nnang e beile seemo leitlho le go netefatsa fa melawana le maitlamo otlhe a diragadiwa go sireletsa botlhe. Re tlhaloganya fa maiteko a a dirilweng a ka tsisa tiego ya ditirelo mme re itlama go dira tsotlhe tse re ka di kgonang go tlhomamisa gore seemo ga se tswe mo taolong.

Re eleletsa Sechaba ka kakaretso botsogo jo bo ntle le go lebogela kemo nokeng ya lona.

Re a leboga.

Mr. Lesego K. Selotate

CHIEF EXECUTIVE OFFICER